Direto tsa Sepeng
The clan names and praises of the Sepeng family.
Which Sepeng are you?
Nobody has recorded the branches of this family yet. A surname is shared across borders and languages — it's the clan that carries the region and the lineage. Mntimandze. Mabhengeta. Cele. If you know yours, you would be the first to put it on record.
Name your clan →
Partial is fine. Someone else can add the rest.
Branch not recorded
Sotho-TswanaKe mmaramaa’Kotu lekumula dithaka. Ke mafiri ke magadimana ntweng, Ga re ja ga re gadime. Phiri tsa’ Molopo a’ Mogale, marinarina a Borankhumise! Motho o rileng a tsaa motho a mo akga, A mo refosa ka theko ‘a lerumo, Mompei ga a yo, Mompei o ile masimong. Ke moagi o montsho wa motse wa Mosetlha Dihemela tsa motse wa Mmakhunwana. Ke ngwana’ mosadi o lebele le makgabe, E reng ngwana a lela a tsee lebele a le akgele kwa morago Ngwana a didimale! Ke ditlogolwana kwa Mmamarama’ Kotu! Ke ditlogolwana tsa matebele a Makonkonyane O ba bone, fa ba tlhoka kgomo Ba tshwara motho ba mo soboloka fela. Ditlogolwana tsa Bommaramaa’ Kotu Ba kotula diako ba tlogela mfero! Ke bosebesa-ka-dimeko Dikgong di le teng! Mmamaraama!!! Mmmooou!!!