Rantao
The clan names and praises of the Rantao family.
Which Rantao are you?
Nobody has recorded the branches of this family yet. A surname is shared across borders and languages — it's the clan that carries the region and the lineage. Mntimandze. Mabhengeta. Cele. If you know yours, you would be the first to put it on record.
Name your clan →
Partial is fine. Someone else can add the rest.
Contributions not yet placed on a branch
Branch not recorded
Morwa - Ntao wa mare a majaga a matebele Morwa kobo-ya-tau O go tilweng kgomo e lla e okometse Lepele E lla e okame BitsweE lla e potile Tswenyane morago Badisa le e bokolotseng Lo e bokolotseng Lo be lo e gogeng ka melodi banna Ngwana wa ga le masa-masa wa moloi O re bolelela a matebe o akaO re pitse di fula kwa Tlhabelang Ngwana wa ga leropolotso le le maoto a mane Le maoto matlhano le a taboga Ka le sale le tlhola le faloutsa lotsatsa Le duma jaaka ntshwe wa motsetsi le re:Kana felo fa go swetseng rremogolo-golwaneke ago itse,go matubako,go maoto a batho.Ebile go makgolela a marumo O motho! mongatana.Yo go tweng motho montsho mongaparela batho O ne a betsa motho ka letswele a feta A bowa a betsa o mongwe ka letswele a feta Batho ba gagwe ba sala ba sule ba ntse dikgora Ba sala ba sule ba ntse dithotho Ba sala ba sule ba ntse dikgogora botlhe Noga e ntsho ya bo MmaMarenyane E ntse e itoga semelemethe E itoga semelemethe le maje a Botlowe Etswa kwa mosimeng e ise etswe yotlhe Basadi bale ba -a-Rantao ba kae Bo Seaomeng le Maitato Ba kae ba sa tle go mpokisa Tshwene Ba bona tshwene e galefile Matlho a yona a talafetse A talafetse o ka re bolele jwa noka ya kolone