Browse Surnames + Add a Surname About Wakahina Sign In Join Free

Dithoko tsa Molokomme

The clan names and praises of the Molokomme family, also known as Direto tsa Molokomme and Izithakazelo zakwa Molokomme.

Mohurutshe

Sotho-Tswana
📍 Limpopo 0 followers
Ahee! Tshetlha! Ahee! Ahee sekwala sa dipholofolo! Ke tshetlha morwa Mallala, Sekwala sa dipholofolo, tshegisa dikwala Mohurutshe, boela gaeno seriting sa thaba Notwane kwa bothula-kgeru ka thatana. Ke lekgomokgomo la matlho a magolo. Phofu tomolela dira matlho a magolo di tshabe. Dire ijoo! Re boning. Re bone selo sa matlho a magolo Batho lebang kwa godimo le bone. Legodimo le a tetema. Ke mosito le mokgwasa wa Bahurutshe. Ba tswa kwa seriting sa thaba ya Notwane Ba itshepetsa go se yo mogolo le yo monnye. Ke bana ba Mmamotsiri-a-konyana, Maila-go-shobolwa. Mohurutshe fa o mo supa ka monwana o boa le ona. Ke motho wa bo-Lethosapele la Mmantsibudi-a-dikwata Motho wa bo Lekarapa la Mmatshola-makako-Mapharaphara Ge ba ja ba tona mesela. Ke motho wabo Ntwape, wabo Mantsha-a-Ramorulana, Mokwena moila letlhaka. Motho wabo Mongatane wa Ramakgoba, Ntsi-mafalala go tlhajwa. Ke motho wa bo-Morothotse, Mmatlhare-di-makata. Bogobe ke a fisa, ke tlhoka mofetodi. Basimane ba ntla ka dithoko. Mabitso a dipholo ga a fele. Mangwe a bidiwa kwa Matsorotsorong, mangwe kwa More-ga-ke-itsiwe. Dira ke tseo, Mohurutshe o di thwapetse Ntwape. O bone le wena di tla go thwapetsa. Nthwape a konopa, Mantsha a konopa. Ke ditshipa tsa morokolo o le mongwe, o montshontsho wa seloko o o ntseng o re swii! Ra-swetsa le ntwa ya abo lekegama. Kgomo re thopa tse dikhunwana, tse diswana le tse ditshetlhana Re di isa Magaamatala- Kgomo ya latlha namane, Motlhane, basimane ba o nopa ka dikotana. Gatsele e nna tenatenane ya Matebele, E tenne kgosi ya Batlokwa e feta. Ke batho ba bo-Molokomme-moloko wa magosi Magosi a a reng le ja le gopole. Molokomme le mmitseng le je le ena. Felesetsang Banotwane e re ba tshela noka le bowe, batla le timetsa AHEE! MASHITLHASHITLHA!

Branch not recorded

Sotho-Tswana
MOLOKOMME,THSEHLA,PHOLOFOLO,MANOTWANA=FELESETSANG MANOTWANA ARE GO TSELA KGANO LE BOYE KE MASELE BATHLA SEPELA
Share