Browse Surnames + Add a Surname About Wakahina Sign In Join Free

Direto tsa Ditshego

The clan names and praises of the Ditshego family.

Branch not recorded

Sotho-Tswana
Ke Ditshego tsa Mma Marabe ‘a Thebe ‘a Nkone. Ke Mokgasa motswa Ngope. Ke Modidima ‘a Mogapatona tsa batho.Bare nare isago e tla tswa Thamaga? Ke motho wabo Thebe ‘a Nkone, ea’reng a lala a ikhuolle motlokolo, nkata ‘a nku e nne mosamo. Ke batho ba bo kgomo ga e isiwe mahisa le matsele, e tla nontsha malata. E tla nontsha ba ga Rantshilane ‘a Kotelo. Ke motho wa bo setlhola-nkokong, ea’ tlholan’ mo mathuding go sena pula ya tsheola.Bare gorilen’ ngwana ‘a ga Thebe, ha ebile o thulwa ke mokhutlulo wa mathudi? Bare se bone dintsho go hihala, ga Tshidi ‘a Moloto, ebong basweu ba tsalwa ke rona dikwanketla. Ke Mma Marabe ‘a Thebe, o sebete se popota, ea jeleng nala le Khunong. Ke batho babo kgang kgaoga, ba baren’ kgang e tsaa gabedi e kgaoge. Ke Morolong motswa Pitsane. Ke motswa Khunwana ka kgomo.Ke bana ba mosadimogolo Mokgadi ‘a Seraile.Ke batho babo Marapamise ‘a lonaka lwa moroma.Ke lwa kgotla ya ga boo Ijane, ke lwabo Monaila’a Dibeko. Ba ba reng dikgobe tsa Mapono ga di tshwenye, le ha eka nna diphure re tla swanya. By Mateane Molefe Ditshego PULA!!!!!

THOLO

0 followers
No praise documented yet — be the first to contribute.
Share